59,315 of 100,000 signatures

Dilo di maswe, mme ga re itse gore di ile go tokafala leng. Tlala, tatlhegelo ya ditiro, go kgaolwa ga madi a thuso le dintsho di gotlhe. Ditlhotlhwa tsa ga jaana tsa madi thuso a setšhaba di ne di lekanetse go baa dijo mo tafoleng pele ga COVID-19,mme jaanong ka ntlha ya batho ba le bantsi ba ba tlhokang ditiro, ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa dilwana tsa motheo tse di botlhokwa jaaka dijo, batho ba a tlhokafala mo seelong sa ga jaana, tseno e setse e le matlhotlhapelo a botho. 

 

Re ka fetola seno. Mo ngwageng o o fetileng re dirisane mmogo le go nna le tswelelopele ka ga dikoketso ya madi a mphiwafela a setšhaba, mme seno se ne sa khutla [1]. Jaanong, ka ntlha ya go nna teng gape ga COVID-19 e e tlholang coronavirus, re tshwanetse go tsenya kgatelelo e nngwe gape gore puso e dire sengwe. Moperesidente Ramaphosa o itsisitse maano a letsholo la moento wa COVID-19 mme o rile puso e ile go lebelela bokgoni jwa kabelo madi a thuso ya lotseno la motheo [2] mme o ne a re ga jaana ga go sa tlhole go na le madi a go thusa malapa [3].

 

Ka nako eo re ka bong re thapa badiri ba bangwe ba tlhokomelo ya pholo, Tona Tito Mboweni o ntse a fokotsa ditekanyetsokabo tse di ka ga tiriso ya matlole a loago [4], le fa baitseanape ba le bantsi ba dirile dipatlisiso le go di tlhagisa kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Matlotlo le kwa Palamenteng tse di supang gore re ka bona madi ka go duedisa bahumi lekgetho ka tshwanelo. Go na le batho ba feta 150,000 ba ba amogelang megolo e e fetang milione o le R1 ngwaga mongwe le mongwe [5], ba ba sa yeng go iphitlhela ba tshwerwe ke tlala fa ba ka duela Lekgetho la Lotseno la Kamogelo le le kwa godimo.

 

Go na gape le ba ba nang le dimilione di le dintsi le go feta ba ba kana ka 300,000 [6] ba ba nang le matlo a mabaibai le dimilione kwa diakhaontong tsa bone tsa dibanka. Babatlisisi ba tshitshintse tuelo ya lekgetho la lehumo lotlhe la ngwaga go bao mahumo a bone a fetang dimilione di le R3.8. Go na le dikelo tse di farologaneng tsa lekgetho tse di tshitshintsweng ke patlisiso eno. Re tshegetsa seelo se se kwa godimo sa lekgetho la khumo yotlhe sa magareng ga 3% le 9% [7] ka ntlha ya fa e le se se tlhokegang go tlhatlosa madi a mphiwafela a setšhaba le go tsaya dikgato go itsise Tshegetso ya Madi a thuso ya Motheo ya Lotseno mo maemong a mogolo wa go itirela botshelo gore batho botlhe ba rona ba kgone go tshela matshelo a a nang le seriti. Baeteledipele ba rona ba paletswe ke go duedisa bahumi lekgetho ka tshwanelo dingwaga di le dintsi, mme dikelo tseno tsa lekgetho tse di kwa godimo tseno mo bahuming di tshwanetse go diriwa fa e le gore re batla go busetsa kwa morago diphokotso tsa ditekanyetsokabo mo tirisong ya madi a loago le go nna le madi a a tshwanetseng go tsenyatirisong Inšorense ya Bosetšhaba ya Pholo (NHI) mo dingwageng di le tlhano tse di latelang.

 

Re tshela mo nageng e e tletseng go tlhoka tekatekano mo lefatsheng. Ga jaana, kabo ya meento ya COVID-19 e beetswe kwa godimo ka dipeeletso tse dikgolo, le fa seno e le tshwanelo. Fela go falola COVID-19 gore o iphitlhele o lebagane le tlala le tlhokomelo ya pholo e e sa siamang go ile go wetsa kwa tlase peeletso.

 

Fa re ka dira sengwe jaanong, re ka tlhola kgatelelo e e tshwanetseng go netefatsa gore puo ya tekanyetsokabo ya ga Tona Mboweni ka la 24 Tlhakole e ile go itsise makgetho go ba ba humileng, mme seno se ka kgona go thusa malapa a le mantsi go kgona go falola e seng COVID-19 fela, le go feta leroborobo.

 

 

Go Moperesidente Ramaphosa, Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Setšhaba Zulu le Tona ya Matlotlo Mboweni, rona ba re saenileng fa re kopa gore o tshegetse ditshweetso, dipholisi le ditekanyetsokabo tse di matshwanedi go lemoga ditopo tse di umakilweng fa tlase. Tona Mboweni, o tshwanetse go amogela dikopo tse di latelang jaaka “Dikgakololo go Tona ya Matlotlo”. Re a go gopotsa jaaka Tona ya Matlotlo, gore ke boikarabelo jwa gago go diragatsa dikgatlhegelo tse di gaisang tsa bontsi jo bo humanegileng, mme e seng tsa ba ba mmalwa ba ba bogagaru. Ke ka moo o tshwanetseng gore o ineele go diragatsa dikopo tse di latelang mo puong ya tekanyetsokabo ya gago ka 24 Tlhakole 2021:

 

1. Tlhatlosa Lekgetho la Lotseno la Kamogelo, go bao ba amogelang milione o le R1 ngwaga mongwe le mongwe go simolola ka 1 Moranang 2021, ka phesente e e thusang go fitlhelela dikopo tse di umakilweng fa tlase.

 

2. Ineele mo kitsisong ya lekgetho la lehumo lotlhe la ngwaga la seelo se se kwa godimo sa 3% go bao ba nang le khumo e e fetang dimilione di le R3.8, 7% go bao ba ba nang le khumo ya dimilione di feta R30 le 9% go bao ba khumo e e fetang dimilione di le R146, le go oketsa Dikelo tsa 2021 le Molaotlhomo wa Ditlhotlhwa tsa Ditšhelete tse di ileng go tsengwa tirisong go simolola ka 1 Moranang 2022. Lekgetho la lehumo lotlhe la ngwaga le tshwanetse go nna la leruri le la mo ngwageng. Tsamaiso ya go netefatsa gore bahumi ba tlhagisa lehumo la bone e tshwanetse go simolola ka bonako jo bo kgonagalang. Mekgwa e mengwe ya go lebagana le go tila go duela lekgetho le tshologelo ya matlole e e seng ka fa molaong e e dirwang ke batho le dikhampani e tshwanetse go nna e e tlang pele.

 

3. Re dira kgoeletso gape ya gore ditsereganyo tse di sa lebeleleng bahumanegi le boineelo jwa teng kana go wetsa tlase mo go bonalang phokoletso ya thuso ya kalafi le go tlosiwa ga dikgogo go tswa mo dikabong tsa letlole la tholotiro kgotsa diphokotso go bao ba amogelang go feta milione o le R1 mo ngwageng. Boikhutso jwa lekgetho ka kakaretso bo tshwanetse go sekasekiwasešwa go akaretsa thotloetso ya thapo le go phimolwa ga dithotloetso go tshwanetse go nna tse di botlhokwa. Re dira kgoeletso eno go wena gore o ineele mo go se oketseng Lekgetho la Koketsoboleng (VAT), go sa akarediwe didiriswa tsa manobonobo, ka ntlha ya fa tse di ama bahumanegi thata. Ga go a tshwanela go nna le tlhatlogo mo Lekgethong la Lotseno la Kamogelo go bao ba ba amogelang kwa tlase ga dimilione di le R1 ngwaga mongwe le mongwe ka ntlha ya fa gantsi madi a kamogelo a a jalo e le a a tshegetsang malapa otlhe. Go feta boineelo jono jwa lekgetho, re dira kgoeletso ya kabo gape ya ditshenyegelo tsa setšhaba le phokotso ya ditshenyegelo tse di sa tlhamalalang tsa puso.

 

4. Baagi ba amandla.mobi ba kopa Tona ya Matlotlo le puso go duedisa bahumi lekgetho gore ba kgone go tsenyatirisong dikopo tse di latelang, bontsi jwa tsone re setse re dirile matsholo a tsone dingwaga di le dintsi:

 

- Tlhatloso ya Madi Thuso a Bagodi go ya go R2150 kgwedi nngwe le nngwe, jaaka kgato ya go e dira tuelo ya go kgona go tshela ya R2500 kgwedi nngwe le nngwe;

- Kgodiso ya Madi a Thuso mabapi le Kgodiso ya Bana go akaretsa bomme ba baimana;

- Kabo ya matlole a thebolelo ya moento wa COVID-19 go bontsi le go fedisa go kgaolwa ga ditshenyegelo tsa loago jaaka mo dithutong le mo pholong, fa go ntse go bewa metheo ya rona gore re kgone go diragatsa Inšorense ya Bosetšhaba ya Pholo;

- Netefatso ya gore ditheo tsa botlhe di na le ketleetsotlole e e matshwanedi go lemoga maitlhomo a tsone. Go palelwa ke go dira go tla ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo. Sekao, phokotso ya matlole a CCMA e ile go nna le tatlhegelo e kgolo kwa ditshwanelong tsa badiri, fa NPA e e senang matlole a a lekaneng e thatafatsa go bonwa gape ga matlole a batsietsi ba a utswileng.

- Le fa madi a thuso a a kana ka R350 a SRD a COVID-19 a khutlisitswe, re dira kopo ya tswelelopele ya ka bonako e e tshwanetseng go diriwa go ya mo tsenyotirisong ya Madi a Netefaletso ya Lotseno la Motheo (madi a thuso) go ba dingwaga di le 18 go ya go di le 59.

 

Re dira kgoeletso kwa Palamenteng go utlwa le go dira go latela dikgatlhegelo tsa bontsi jo bo humanegileng ka go tshegetsa dikopo tse di umakilweng ga godimo.

 

[1] https://awethu.amandla.mobi/petitions/tell-government-we-urgently-need-a-child-support-grant-increase-of-r500-for-the-next-6-months
[2] FULL SPEECH: Ramaphosa charts 'better future' for ANC in 2021, Nokukhanya N Mntambo for Jacaranda FM, 8 January 2021, page 16 od speech.

[3] Ramaphosa admits there's no money to help families hit by Covid-19, Clement Manyathela for EWN, 15 January 2021.

[4] ANALYSIS: Mboweni delivers a brutal budget: Minister warns SA needs deep spending cuts or risk bankruptcy, Hilary Joffe for Times Live, 25 June 2020.

[5] This is how many South Africans earn over R5 million a year, Quinton Bronkhorst for Business Tech, 23 February 2020.

[6] Submission to the technical annexure c tax proposals for the 2021 budget, Busi Sibeko for the Institute for Economic Justice, 23 November 2020.

 

 

[7] A wealth tax for South Africa, Aroop Chatterjee, Leo Czajka and Amory Gethin for Wits University, January 2021.

Kgato e latelang – tsamaisa molaetsa

O saena seno ole A gase wena? Tlanya fa